SETLHOGO: Tsa ga Morulaganyi.
Tikologo ke morero wa botlhokwa mo botshelong, e seng fela mo go Aforika Borwa, fela legale mo mafatsheng otlhe go kgabaganya lefatshe le mo ditshabeng tsa lefatshe ka bophara. Merero ya tikologo e ne ya rerisanngwa ka botennye le ka botswapelo mo Kokoanong ya Lefatshe ka ga Tlhabololo e e Tswelediwang (WSSD) kwa Johannesburg.
Go tloga ka di 24 Phatwe go fitlhela ka di 4 Lwetse Aforika Borwa o amogela ditokololo di feta 40 000 go tswa kwa dikhutlong tsotlhe tsa lefatshe, botlhe ba tlile go nna le seabe mo ditherisanong tsa WSSD.
WSSD e tlhotse tshono ya ditshiamelo tse SANDF e supileng Aforika Borwa le go supetsa lefatshe gore e santse e le matsholo a a botlhokwa le gore a aba tirelo ya boleng jwa maemo a a kwa godimo. Go mo pepeneneng gore re atlegile e bile se ke sengwe se re ka itlotlomatsang ka sona. Go ditokololo tse di ntseng le seabe mo pakeng ya nako e, re batla gore: "Re a leboga". Re le rolela hutshe!!! (Buisa go le gontsi mo ditsebeng tsa bo 12 le ya bo 13).
Lekwalodikgang la SA SOLDIER le bone go tshwanela mo phasalatsong ya lona ya tlwaelo ya kgwedi e, go tsenya bukana e e ka ga merero ya go somarela tikologo ya kgwedi e, go rotloetsa maikemisetso le maikaelelo a WSSD. (Buisa mo ditsebeng tsa bo 12 le ya bo 31).
Go ya ka Mokolonele Seakle Godschalk, SSO Environemental Services Joint Support Division, "Lefapha la Tshireletso le ntse le seabe se segolo mo pakeng ya dingwaga di le 25 tse di fetileng. Se se re baya mo maemong a bobedi mo morago ga Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika, e mtsholo a yona a leng a bobedi go tlhomiwa mo lefatsheng, ka go tlhokomela le go somarela tikologo ka mokgwa wa semmuso le o o rulagantsweng ka botlalo". Go ikgakolola ka ga ditiragalo tse dingwe tsa nako eo, buisa ditsebe tsa bo 24
go fitlhela go ya bo 26.
Ka bomadimabe, kakanyo e setšhaba se nang le yona ka bophara ke ya gore ditiro tsa sesole mo mafelong a tllhago ke tsa go senya le go ripitla tlhago, le gore badiredi ba sesole ba dira botlhaswa mabapi le metswedi e e botlhokwa ya tlhago. Puo e e reng: "Masole ke segongwana sa basimanyana ba ba senyang le ba ba tshamekang ka ditshamekisi tse di kotsi", gantsi e buiwa go lebisitswe sesole le mekgwa ya sona ya go ikatisa.
Ditshwaelo tsa mothale o di ka bonwa e le tsa borumulano le tse di se nang nnete ka gope, fela nnete ke gore, kwa ntle ga maitsholo a a lolameng le dikgato tsa go aga leshwa metswedi ya tlhago, ditiro tse di rileng gantsi di diragala mo mafelong a go ikatisa ka dinako tsa go ikatisa tse di ka dirang gore go nne le tsibogo e e tshwanang le e e fa godimo. Tsweetswee buisa temakgang ya: "A re se keng ra dirisa tlhago botlhaswa fela re rwaleng boikarabelo jwa merero ya tikologo e e tsweledisiwang pele", mo ditsebeng tsa bo 21 le ya bo 22.
Go botlhokwa go gakologelwa gore tokololo nngwe le nngwe ya Lefapha e tshwanetse go dira jaaka tokololo e e siameng ya setšhaba se, le yo o kgathalelang tikologo. E tshwanetse go nna karolo ya botshelo - tsela ya go dira ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi ka mokgwa o o tla tsholetsang tikologo ya rona.
Motlatsa Morulaganyi
